Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Thuto ya Maaka 5: Marea ke Mmaagwe Modimo

Thuto ya Maaka 5: Marea ke Mmaagwe Modimo

Thuto eno e simologile kae?

“Go tlotlomadiwa ga mmaagwe Modimo go ne ga ata thata fa . . . baheitane ba le bantsi ba ne ba ologela mo kerekeng. . . . Dilo tse ba di dumelang le go tlhoafalela bodumedi [ga baheitane ba ba sokologetseng mo Bokereseteng] ga di bolo go nna teng ka dingwaga di le sekete mo lekokong lengwe la modimo wa sesadi wa ‘mmè yo mogolo’ le la ‘lekgarebane le le boitshepo.’”—The New Encyclopædia Britannica (1988), Bolumo 16, tsebe 326 le 327.

Baebele yone ya reng?

“O tla ithwala mo sebopelong sa gago o bo o tshola ngwana wa mosimane, mme o mo reye leina o re Jesu. O tla nna mogolo mme o tla bidiwa Morwa Mogodimodimo. . . . Ka jalo ngwana o tla nna boitshepo mme o tla bidiwa boitshepo, Morwa Modimo.”—Mokwalo o o sekameng ke wa rona; Luke 1:31-35, The New Jerusalem Bible.

Mafoko ao a Dikwalo a bontsha sentle gore Marea e ne e le mmaagwe “Morwa Modimo,” e seng mmaagwe Modimo. A go ka direga gore Marea o ne a imile Ene yo ‘magodimo a neng a ka se mo tshole’? (1 Dikgosi 8:27) Marea ga a ise a ko a bue jalo. Thuto ya gore go na le medimo e le meraro mo go a le mongwe ke yone e dirileng gore batho ba se ka ba tlhaloganya gore Marea ke mang. Ka 431 C.E., Lekgotla la kwa Efeso le le neng la re Marea ke Theotokos (lefoko la Segerika le le kayang “yo o tshotseng Modimo”) kgotsa “Mmaagwe Modimo” le ne la dira gore go obamelwe Marea. Motse wa Efeso o lekgotla la kereke le neng le le mo go one, ga o bolo go nna lefelo le go obamelwang medingwana ka makgolokgolo a dingwaga e bile e le kwa go direlwang modimo wa sesadi wa tsalo e bong Aretemise moletlo gone.

Ke gone ka moo dilo di le dintsi tse di neng di dirisiwa fa go ne go obamelwa setshwantsho sa ga Aretemise se se neng “sa wa kwa legodimong” tse di jaaka go dira mekoloko, di ileng tsa dirisiwa fa go ne go obamelwa Marea. (Ditiro 19:35) Mokgwa o mongwe o o neng wa tsena ka iketlo mo dithutong tsa Bakeresete e ne e le go dirisa ditshwantsho tsa ga Marea le tse dingwe mo kobamelong.

Bapisa le ditemana tseno tsa Baebele: Mathaio 13:53-56; Mareko 3:31-35; Luke 11:27, 28

BOAMMAARURI:

Marea e ne e le mmaagwe Morwa Modimo, e seng mmaagwe Modimo. Thuto ya gore go na le medimo e le meraro mo go a le mongwe e dirile gore batho ba obamele Marea e le Mmaagwe Modimo