Ikanye Jehofa—Ruri o Tla go Thusa
Ikanye Jehofa—Ruri o Tla go Thusa
Jaaka go Boletse Edmund Schmidt
Ke ne ka gakologelwa kgakololo e e fa godimo fa ke ne ke tshwanetse go ya go sekisiwa kwa kgotlatshekelong kwa New York ka October 1943. Fa ke ne ke tshwara dingwaga di le 25, ke ne ke na le mo e ka nnang dingwaga di le nnè ke le kwa kgolegelong ka ntlha ya go sa tseye letlhakore. Fela jaaka balatedi ba ga Jesu ba bogologolo, ke ne ke ititeile sehuba gore ke tla “utlwa Modimo e le mmusi bogolo go batho.” (Ditiro 5:29) Mme pele ga ke go bolelela ka seo, mma ke tlhalose gore go tlile jang gore ke nne le tumelo e e nonofileng jaana mo Modimong.
KE TSHOTSWE ka April 23, 1922, kwa Cleveland, Ohio, kwa U.S.A., mo foleteng ya rona e e neng e le mo boalong jo bo fa godimo ga lefelo la ga Rre la go baka. Dikgwedi di le nnè moragonyana, Rre e bong Edmund, o ne a ya kwa kopanong ya Baithuti ba Baebele (jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bidiwa ka nako eo) kwa Cedar Point, gaufi le Sandusky, dikilometara di le 160 go tswa kwa gae.
Kwa kopanong eo, batho ba ba neng ba le gone ba ne ba rotloediwa ka gore “itsiseng, itsiseng, itsiseng Kgosi [ya Modimo] le bogosi jwa gagwe.” Sontaga se se latelang, Rre o ne a simolola go nna le seabe mo tirong eo. O ne a tswelela a dira jalo ka dingwaga di le 66 go fitlha a tlhokafala ka July 4, 1988. Mmè, e bong Mary, o ne a tlhokafala ka 1981, a ntse a ikanyega mo Modimong.
Go Direla Jehofa le Batsadi ba Me
Lelapa la gaetsho le ne le kopanela le phuthego ya Se-Poland kwa Cleveland. Ka Matlhatso motshegare, bontsi jwa rona bana, re ne re tsamaya le bagolo re ya go rera dikgang tse di molemo ka ntlo le ntlo. Ka Sontaga, batsadi ba rona ba ne ba itumelela puo ya Baebele mo holong ya lefelo le re neng re kopanela mo go lone. Mme ka yone nako eo, morutisi wa Baebele yo o nang le maitemogelo o ne a tshwarela rona bana ba ka nna 30 thuto ya Baebele, a dirisa buka ya go ithuta Baebele ya The Harp of God. * Ka bonako morago ga foo le nna ke ne ke tshwara dithuto tsa Baebele, mme ke nna le matswela a a molemo.
Ka July 1931, lelapa la gaetsho le jaanong le neng le akaretsa nnake e bong Frank, le ne la ya kwa kopanong e nngwe ya Baithuti ba Baebele, mo lekgetlong leno e le kwa Columbus, e e ka nnang dikilometara di le 160 go ya kwa borwa. Ke ka yone nako eo Baithuti ba Baebele ba neng ba amogela leina le le theilweng mo Baebeleng la Basupi ba ga Jehofa. (Isaia 43:10-12) Ka nako eo, ke ne ka rera phatlalatsa, ke laletsa batho gore ba tle go reetsa puo ya phatlalatsa e e neng e neelwa ke J. F. Rutherford, yo o neng a eteletse pele tiro ya Basupi ba ga Jehofa. Fa e sa le ka nako eo, go fetile dingwaga tse di fetang 79 ke ntse ke dira gore go direla Jehofa Modimo mmogo le batho ba gagwe e nne selo sa botlhokwa mo botshelong jwa me.
Dinako Tse di Thata le Tirelo e e Kgotsofatsang
Ka 1933 lefatshe lotlhe le ne le simolotse go amiwa ke Kwelotlase e Kgolo ya Ikonomi. Mo United States, batho ba ba fetang dimilione di le 15 kgotsa kwatara ya badiri, ba ne ba latlhegetswe ke ditiro. Ditoropo di ne tsa felelwa ke madi, e bile go ne go se na madi ape a puso a a newang bahumanegi le bagodi. Le fa go ntse jalo, bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ne ba thusana. Ka Sontaga, ba lelapa la gaetsho ba ne ba tsaya borotho kwa lebakeng la rona ba bo isa kwa lefelong la dipokano ba bo ba bo abela ba bangwe. Madi ape a a neng a sala fa Rre a sena go duelela ditshenyegelo fa kgwedi e fela, o ne a a romela kwa ntlokgolong ya Basupi ba ga Jehofa kwa Brooklyn, kwa New York. O ne a itse gore madi ao a ne a tla dirisiwa go thusa mo ditshenyegelong tsa go gatisa dibuka tsa Baebele.
Mo dingwageng tseo, go gasa mo radiong e ne e le karolo e kgolo ya bodiredi jwa rona. Diteishene tse di fetang 400 di ne di gasa dipuo tsa Baebele tse di neng di neelwa kwa dikopanong tsa rona. Ka bo1930, gape Basupi ba ne ba dira difonokerafo le direkoto kwa madirelong a bone kwa Brooklyn. Re ne re di dirisa mo tirelong ya rona mme re bo re bega gore re ile ra leletsa batho ba e seng Basupi dipuo tse di rekotilweng tsa Baebele gakae, le gore di reeditswe ke batho ba le kae.
Ka 1933, Adolf Hitler le mokgatlho wa gagwe wa Bonasi o ne wa simolola go busa kwa Jeremane. Basupi ba ga Jehofa ba koo ba ne ba bogisiwa botlhoko ka ntlha ya go se tseye letlhakore mo dipolotiking. (Johane 15:19; 17:14) Basupi ba le bantsi ba kwa Jeremane ba ne ba tsenngwa kwa dikgolegelong kgotsa kwa dikampeng tsa pogisetso ka ntlha ya go gana go nna le seabe mo dikgannyeng tse di amanang le dipolotiki kgotsa go galaletsa Hitler. Ba le bantsi ba ne ba bolawa mme ba bangwe ba ne ba berekisiwa ka thata go fitlha ba swa. Ka ntlha ya go tshwarwa setlhogo jalo, ba le bantsi ba ne ba tlhokafala nakwana fela morago ga ntwa. Batho ba le bantsi ga ba itse gore Basupi ba ga Jehofa kwa mafatsheng a mangwe go akaretsa le United States le bone ba ne ba sa tshwarwe sentle.
Ka 1940, re ne ra ya kopanong kwa Detroit, Michigan. Ka July 28, ke ne ka kolobediwa kwa kopanong eo, ke tshwantshetsa gore ke ineetse mo go Jehofa Modimo. Kgwedi pele ga kopano eo, Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang ya United States e ne e beile molao wa gore go gana go dumedisa folaga e ne e le go tlola molao mme ngwana o ne a ka otlhaiwa ka go kobiwa kwa sekolong. Basupi ba ne ba dirang malebana le tshwetso eno? Bontsi jwa bone bo ne jwa itlhomela dikolo gore ba kgone go ruta bana ba bone. Di ne di bidiwa Dikolo Tsa Bogosi.
Ntwa ya Lefatshe II e ne e simolotse ka September 1939 kwa Yuropa, mme moya wa ntwa o ne wa anama mo United States. Basha ba Basupi ba ne ba bogisiwa e bile ba kgwathisiwa ke basha le bagolo ba ba neng ba sa tlhaloganye boemo jwa rona. Go begilwe gore go simolola ka 1940 go ya go 1944, Basupi ba ga Jehofa kwa United States ba ne ba sotliwa ke digopa ka makgetlho a a fetang 2 500. Pogiso e
ne ya oketsega fa Bajapane ba ne ba tlhasela Pearl Harbor ka December 7, 1941. Dibeke di le mmalwa pele ga foo ke ne ka nna mongwe wa babulatsela, jaaka badiredi ba nako e e tletseng ba Basupi ba ga Jehofa ba bidiwa. Ke ne ka boloka madi mme ka reka kharabene ya dimetara di le supa, mme re ne ra fudugela kwa Louisiana re le mmalwa go ya go rera teng.Go Bogisiwa Kwa Kgaolong e e Kwa Borwa
Baagi ba lefelo leo ba ne ba re letla go emisa kharabene ya rona mo tshimong ya ditlhare tsa di-pecan gaufi le toropo ya Jeanerette. Ka Matlhatso mongwe re ne ra ya go rera phatlalatsa mo mmileng, mme mookamedi wa mapodise o ne a laela banna ba gagwe gore ba re tshware ba bo ba re ise kwa holong ya motse. Go ne go phuthegile batho ba ka nna 200 ka fa ntle ga holo, mme mapodise a ne a re ntshetsa kwa go bone a sa re sireletsa. Re ne ra wela makgwafo fa batho bano ba ne ba re bulela tsela mme ba re letla go feta. Mo letsatsing le le latelang, re ne ra ya kwa Baton Rouge, motse o mogolo o o fa gaufi, go ya go bolelela Bakeresete ka rona ka se se diragetseng.
Fa re boela kwa Jeanerette, re ne ra fitlhela molaetsa o kgomareditswe mo mojakong wa kharabene ya rona o re: “Tsweetswee ikgolaganyeng le nna kwa kampeng ya badiri ba oli.” O ne o kwadilwe gore o tswa kwa go “E. M. Vaughn.” Re ne ra kopana le Rre Vaughn, mme o ne a re laletsa gore re tle go ja le ene le mosadi wa gagwe. O ne a re ene le banna ba gagwe ba ne ba le teng mo bathong ba ba neng ba phuthegile ka fa ntle ga holo ka Matlhatso, mme fa go ne go ka tlhokega gore a re sireletse o ne a tla dira jalo. Re ne ra anaanela kafa a neng a re kgothatsa le go re ema nokeng ka teng.
Mo letsatsing le le latelang, batlhankedi ba bagolo ba sepodise ba ba tshotseng ditlhobolo ba ne ba re tshwara mme ba re tseela dibuka. Ba ne ba tsaya dilotlolo tsa kharabene ya me mme ba ntswalela mo seleng ke le nosi kwa kgolegelong ka malatsi a le 17 ke na le dijo tse dinnye fela. Rre Vaughn o ne a leka go re thusa mme a itaya se fololetse. Ka nako ya fa re ne re tshwerwe, segopa sa batho se ne sa re thukutha mme sa fisa sengwe le sengwe se re neng re na le sone, go akaretsa le kharabene ya me. Ka nako eo ke ne ke sa lemoge gore Jehofa o ne a mpaakanyetsa se ke neng ke tloga ke lebana le sone.
Go Tsenngwa mo Kgolegelong Kwa Kgaolong e e Kwa Bokone
Kgwedi morago ga gore ke boele kwa kgaolong e e kwa bokone ke ne ka tlhomiwa go nna mmulatsela yo o kgethegileng mme ka direla kwa Olean kwa New York mmogo le Basupi ba bangwe. Fa ke le koo, puso e ne e batla gore ke ikwadisetse bosole, mme ke ne ka letlelelwa gore ke se ka ka ya bosoleng ka ntlha ya segakolodi sa me. Fa ke sena go falola diteko tse di neng di dirwa mo mmeleng le mo tlhaloganyong, pampiri ya me e ne ya tempiwa mafoko a a reng “Motho yo o Tshwanelegang go ya Kwa Sekolong sa Thapiso sa Batlhankedi ba Sesole.”
Ke ne ka kgona go tswelela ke le mmulatsela mo lobakeng lo e ka nnang ngwaga. Morago ga foo, ka 1943, e re ka ke ne ke gana go tlogela tiro ya go rera gore ke thapisediwe bosole, lefapha la dipatlisiso la mapodise la FBI le ne la ntshwara mme la ntaela gore ke ye kwa kgotlatshekelong kwa Syracuse kwa New York mo bekeng e e latelang gore ke sekisiwe. Ke ne ka bonwa molato, mme tsheko ya me e ne e tla tsena morago ga malatsi a le mabedi.
Ke ne ke se na mmueledi, ka jalo ke ne ke ipuelela. Kwa dipokanong tsa rona tsa Bokeresete, rona basha ba Basupi re ne re rutilwe gore re buelele jang ditshwanelo tsa rona kwa kgotlatshekelong le gore re itshware jang fa re le koo. Ke ne ka gakologelwa sentle kgakololo e e umakilweng kwa tshimologong ya setlhogo seno. Basekisi ba bangwe ba ne ba bo ba ngongorega ka gore Basupi ba itse molao go ba gaisa! Le fa go ntse jalo, setlhopha sa batho ba ba tlhomilweng go atlhola kgetsi se ne sa mpona molato. Fa moatlhodi a mpotsa gore a ke sa ntse ke na le sengwe se ke batlang go se bua, ke ne ka araba jaana: “Gompieno setšhaba se mo tshekong fa pele ga Modimo malebana le kafa se tshwarang ka teng batho ba ba mo direlang.”
Ke ne ka atlholelwa dingwaga di le nnè kwa kgolegelong ya puso kwa Chillicothe, Ohio. Fa ke le koo ke ne ka abelwa go direla ke le mokwaledi wa modiredimogolo wa lephata la tirelo la kgolegelo. Morago ga dibeke di le mmalwa, mmatlisisi yo o kgethegileng yo o tswang kwa Washington D.C. o ne a tla kwa ofising ya rona mme a re ba ne ba dira dipatlisiso ka ga Hayden Covington. E ne e le mmueledi yo o neng a femela Basupi ba ga Jehofa mme a itsege e le mongwe wa babueledi ba molao ba ba nang le bokgoni kwa Amerika.
Mmatlisisi o ne a re o batla difaele tse di nang le tshedimosetso e e feletseng ka magolegwa a mabedi—Danny Hurtado le Edmund Schmidt. Mookamedi wa me o ne a re: “E kete o ne o itse gore Rre Schmidt o kwano, ke ene yo.” Mmatlisisi o ne a tlile go dira dipatlisiso ka sephiri, mme ka tshoganyetso fela o ne a bona gore re ne re mo lemogile. Go ise go ye kae ke ne ka newa tiro e sele ya go direla kwa ntlong ya boapeelo.
Bobulatsela, Bethele le Lenyalo
Ka September 26, 1946 ke ne ka gololwa pele ke wetsa lobaka lo ke neng ke lo atlholetswe mme ke ntse ke beilwe leitlho, le fa go ntse jalo, ka tswelela ka bobulatsela jaanong ke le kwa phuthegong ya Highland Park kwa California. Moragonyana, ka September 1948, ke ne ka fitlhelela mokgele o ke neng ke sa bolo go o ipeela. Ke ne ka lalediwa go ya go dira tiro ya go baka kwa ntlokgolong (Bethele) kwa Brooklyn, kwa go dirwang gone dikgatiso tsa Baebele tse di dirisiwang mo tirong ya rona ya go rera ya lefatshe lotlhe. Ka yone nako eo ke ne ka tlogela tiro ya me ya go baka kwa resetšhurenteng kwa Glendale mme ka fudugela kwa Bethele.
Dingwaga di le supa moragonyana ka 1955, go ne go tlile go tshwarwa dikopano di le mmalwa tsa ditšhabatšhaba kwa Yuropa. Ba lelapa la gaetsho ba ne ba nnaya madi a gore ke ye kwa dikopanong tseo. Ke ne ka itumelela kopano ya kwa London, ya kwa Paris, ya kwa Roma mme segolobogolo ya kwa Nuremberg, kwa Jeremane, kwa go neng go tlile batho ba ba fetang 107 000 kwa setadiamong se segolo se Hitler a neng a kile a tlhatlhoba masole a gagwe ka boikgogomoso kwa go sone. Bangwe ba Basupi ba ba neng ba le mo kopanong eo, e ne e le ba Hitler a neng a ikanne gore o tla ba nyeletsa. A bo go ne go itumedisa jang ne go nna le bone!
Kwa kopanong ya Nuremberg, ke ne ka kopana le mosha mongwe wa Mosupi wa Mojeremane e bong Brigitte Gerwien mme ka ratana le ene. Re ne ra nyalana pele go feta lobaka kwa ngwaga mme ra boela kwa Glendale go ya go nna gaufi le batsadi ba me. Morwaarona wa ntlha e bong Tom o ne a tsholwa ka 1957, wa bobedi e bong Don o ne a tsholwa ka 1958, mme morwadiarona e bong Sabena ene o ne a tsholwa ka 1960.
Botshelo jo bo Kgotsofatsang
Batho bangwe ba mpotsa gore a ga ke ikwatlhaele go bo ke ile ka tlhaselwa ke digopa ka bo ka tsenngwa mo kgolegelong ka ntlha ya go direla Modimo. Mo boemong jwa moo, ke leboga Jehofa go bo ke nnile le tshiamelo ya go mo direla mmogo le batlhanka ba gagwe ba bantsi ba ba ikanyegang. Mme ke solofela gore maitemogelo a me a tla kgothatsa ba bangwe gore ba atamalane le Modimo mme ba se ka ba mo latlha.
Batlhanka ba le bantsi ba Modimo ba ile ba bogisiwa thata ka ntlha ya go mo direla. A mme seno ga se sone se re neng ra bolelelwa gore re se solofele? Baebele ya re: “Botlhe ba ba eletsang go tshela ka boineelo jwa bomodimo ba le seoposengwe le Keresete Jesu le bone ba tla bogisiwa.” (2 Timotheo 3:12) Le fa go ntse jalo, a bo mafoko ano a a mo go Pesalema 34:19 a le boammaaruri jang ne: “Masetlapelo a mosiami a mantsi, mme Jehofa o mo golola mo go one otlhe”!
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 7 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa mme ga e tlhole e gatisiwa.
[Setshwantsho mo go tsebe 27]
Fa re ne re rera kwa Louisiana mo masimologong a bo1940
[Setshwantsho mo go tsebe 29]
Fa ke ne ke dira tiro ya go baka kwa ntlokgolong
[Setshwantsho mo go tsebe 29]
Ke na le mosadi wa me, Brigitte