Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Boporofeti Jwa Baebele bo Bolelela Pele ka Setšhaba sa Iseraele sa Segompieno?

A Boporofeti Jwa Baebele bo Bolelela Pele ka Setšhaba sa Iseraele sa Segompieno?

BATHO ba le bantsi gompieno ba tshwenyegile e bile ba ipotsa gore go direga eng kwa Botlhabagare. Gangwe le gape go a thuntshanwa, go nna le dikgotlhang tsa masole a a sa thapisiwang le dirukhutlhi tse di thuntshang dibomo. Mo godimo ga mathata ano otlhe, dibetsa tsa nuklea di ka nna tsa dirisiwa nako nngwe le nngwe. Ga go gakgamatse go bo batho gongwe le gongwe ba tshwenyegile!

Gape batho ba le bantsi ba ne ba tlhobaela ba ipotsa gore go direga eng kwa Botlhabagare ka May 1948. Ka nako eo, dingwaga di le 62 tse di fetileng, molao wa Boritane wa gore naga e e neng e bidiwa Palesetina ka nako eo e gapiwe o ne o fela e bile go ne go tloga go runya ntwa. Ngwaga pele ga foo, lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le ne la letlelela gore go tlhomiwe Setšhaba sa Bajuda se se ikemetseng mo karolong ya naga e e gapilweng. Ditšhaba tsa Baarabia tse di neng di le gaufi le naga eo di ne di ikanne gore di tla dira bojotlhe jwa tsone gore di thibele seo go direga. Lekgotla la Arabia le ne la tlhagisa jaana: “Molelwane oo e tla nna lefelo la ntwa le tshololo ya madi.”

E ne e le Labotlhano thapama, May 14, 1948, ka 4:00 p.m. Molao wa Boritane o ne o tloga o fela mo diureng di le mmalwa tse di latelang. Kwa Musiamong wa kwa Tel Aviv, setlhopha sa babogedi ba le 350 ba ba neng ba laleditswe ka sephiri ba ne ba lebile pele go utlwa kitsiso—kitsiso ya go tlhomiwa semolao ga setšhaba sa segompieno sa Iseraele. Go ne go na le batho ba ba neng ba disitse gore baba ba bantsi ba Setšhaba se se neng se sa tswa go tlhongwa ba se ka ba kgoreletsa thulaganyo eo.

David Ben-Gurion, May 14, 1948

David Ben-Gurion, moeteledipele wa Lekgotla la Setšhaba sa Iseraele o ne a bala The Declaration of the Establishment of the State of Israel. Karolo ya yone e ne e balega jaana: “Rona, re le maloko a Lekgotla la Batho, baemedi ba Setšhaba sa Bajuda ba kwa Eretz-Israel . . . ka ntlha ya ditshwanelo tsa hisitori ya rona le ka maikano a a neng a dirwa ke Kokoanokgolo ya Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng, re itsise ka go tlhomiwa ga Setšhaba sa Bajuda kwa Eretz-Israel, se se tla bidiwang Setšhaba sa Iseraele.”

A Seo Se ne Se Diragatsa Boporofeti Jwa Baebele?

Baporotesetanta bangwe ba Baefangedi ba dumela gore Setšhaba sa Iseraele sa segompieno ke sone se go boleletsweng pele ka sone mo boporofeting jwa Baebele. Ka sekai, moruti mongwe e bong John Hagee o bua jaana mo bukeng e e bidiwang Jerusalem Countdown: “Moporofeti Isaia o ne a bua ka tiragalo eno e e ka se lebalweng fa a ne a kwala jaana, ‘Setšhaba se tla tsholwa ka letsatsi le le lengwe.’ (Bona Isaia 66:8.) . . . E ne e le tiragatso e kgolo ya boporofeti mo hisitoring mo lekgolong la masomeamabedi la dingwaga. E ne e le bosupi jo bo bonalang sentle mo bathong botlhe gore Modimo wa Iseraele o a tshela.”

A seo se boammaaruri? A Isaia 66:8 e ne e bolelela pele go tlhomiwa ga Setšhaba sa Iseraele sa segompieno? A se se diragetseng ka May 14, 1948, e ne e le “tiragatso e kgolo ya boporofeti mo hisitoring mo lekgolong la masomeamabedi la dingwaga”? Fa e le gore Setšhaba sa Iseraele sa segompieno e sa ntse e le setšhaba se Modimo a se tlhophileng, e bile a se dirisa go diragatsa boporofeti jwa Baebele, ruri kgang eno e ne e ka kgatlha baithuti botlhe ba Baebele.

Boporofeti jwa ga Isaia jwa re: “Ke mang yo o utlwileng selo se se ntseng jaana? Ke mang yo o boneng dilo tse di ntseng jaana? A lefatshe le tla tsholwa ka ditlhabi tsa pelegi mo letsatsing le le lengwe fela? Kgotsa a setšhaba se tla tsholwa ka nako e le nngwe fela? Gonne Siona o tsene mo ditlhabing tsa pelegi e bile o belege bana ba gagwe ba basimane.” (Isaia 66:8) Temana eno e bolelela pele sentle ka go tsholwa ga setšhaba sotlhe ka nako e le nngwe, jaaka e kete ke ka letsatsi le le lengwe. Mme gone, ke mang yo o neng a tla dira gore se tsholwe? Temana e e latelang e re thusa go tlhaloganya seno: “‘Fa e le nna, a ke tla bula sebopelo mme ka se ka ka dira gore go belegwe?’ go bua Jehofa. ‘Kgotsa a ke baka go belega ke bo ke dira gore go tswalege?’ go buile Modimo wa gago.” Jehofa Modimo o bontsha sentle gore go tsholwa ka tsela ya tshwantshetso ga setšhaba seno go ne go tla dirwa ke ene.

Iseraele ya segompieno e laolwa ke puso ya temokerasi e e sa boleleng gore e ikaegile ka Modimo yo go buiwang ka ene mo Baebeleng. A ka 1948 Baiseraele ba ne ba dumela gore Jehofa Modimo ke ene a bakileng go itsisewe ga Setšhaba sa bone semolao? Ba ne ba sa dumele seo. Ga go gope mo leina la Modimo kgotsa lefoko “Modimo” le neng la umakiwa gone mo mokwalong wa ntlhantlha wa kitsiso eo. Buka ya Great Moments in Jewish History e bua jaana ka mokwalo wa bofelo wa kitsiso eo: “Tota le ka 1:00 P.M. fa Lekgotla la Setšhaba le kopana, maloko a lone a ne a sa dumalane ka se se tshwanetseng go kwalwa mo kitsisong ya go itsise Setšhaba seo semolao. . . . Bajuda ba ba kelotlhoko ba ne ba batla gore go umakiwe ‘Modimo wa Iseraele.’ Batho ba ba sa rateng bodumedi ba ne ba gana. Ben-Gurion o ne a ineela mme a swetsa ka gore go kwalwe lefoko ‘Lefika’ go na le ‘Modimo.’”

Le gompieno Setšhaba sa Iseraele sa segompieno se bolela fa go nna ga sone Setšhaba se se itsisitsweng semolao go ikaegile ka tshwetso ya lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le se e se bitsang tshwanelo ya Bajuda ya tlholego le ya hisitori. A go tla bo go utlwala go lebelela gore Modimo yo go buiwang ka ene mo Baebeleng a dire gore tiragatso e kgolo ya boporofeti ya mo lekgolong la bo20 la dingwaga e diragale mo bathong ba ba ganang go mo tlotlomatsa?

Setšhaba sa Iseraele sa Segompieno se Farologana Jang le sa Bogologolo?

Boikutlo jwa Iseraele wa segompieno bo farologane thata le se se neng sa direga ka 537 B.C.E. Ka nako eo, ruri setšhaba sa Iseraele se ne sa ‘tsholwa gape’ jaaka e kete ka letsatsi le le lengwe morago ga go senngwa ke Bababelona dingwaga di le 70 pele ga moo, go bo go sala palo e e kwa tlase fela ya banni ba sone. Ka nako eo, Isaia 66:8 e ne ya diragadiwa ka tsela e e bonalang sentle fa Kurose yo Mogolwane wa kwa Peresia yo o neng a fenya Babelona a ne a ntsha taelo ya gore Bajuda ba boele kwa nagagaeng ya bone.—Esera 1:2.

Ka 537 B.C.E, Kgosi ya Peresia e bong Kurose o ne a lemoga gore Jehofa o ne a na le seabe mo kgannyeng eno, mme ba ba neng ba boela kwa Jerusalema ba ne ba dira jalo ka boikaelelo jwa go tsosolosa kobamelo ya ga Jehofa Modimo le go aga tempele sesha. Setšhaba sa Iseraele sa segompieno ga se ise se ko se bue sepe ka gore se eletsa go dira jalo kgotsa se ikaeletse go dira jalo.

A e Sa Ntse e le Setšhaba se Modimo a se Tlhophileng?

Ka ngwaga wa 33 C.E., Bajuda ba mmatota ba ne ba se ka ba tlhola ba nna setšhaba se se tlhophilweng sa Modimo fa ba ne ba gana Morwa wa ga Jehofa e bong Mesia. Mesia ka boene o ne a re: “Jerusalema wee, Jerusalema wee, mmolai wa baporofeti le mokgobotletsi wa ba ba rometsweng kwa go ene . . . Bonang! Ntlo ya lona e tlogeletswe lona.” (Mathaio 23:37, 38) Se Jesu a neng a se bua se ne sa diragadiwa fa masole a Roma a ne a senya Jerusalema le tempele ya yone le thulaganyo ya boperesiti ka 70 C.E. Mme go ne go tla diragalang ka boikaelelo jwa Modimo jwa gore a nne le ‘thuo e e kgethegileng mo ditšhabeng tse dingwe tsotlhe le bogosi jwa baperesiti le setšhaba se se boitshepo’?—Ekesodo 19:5, 6.

Moaposetoloi Petere, yo le ene e neng e le Mojuda wa tlholego, o ne a araba potso eo mo lekwalong le a neng a le kwaletse Bakeresete—ba Baditšhaba le ba Bajuda. O ne a kwala jaana: “Lo ‘lotso lo lo tlhophilweng, boperesiti jwa segosi, setšhaba se se boitshepo, setlhopha sa batho ba ba ruilweng ka tsela e e kgethegileng,’ . . . gonne lo kile lwa bo lo se setšhaba, mme jaanong lo setšhaba sa Modimo; lo ne lo le ba ba neng ba sa bontshiwa kutlwelobotlhoko, mme jaanong lo ba ba bontshitsweng kutlwelobotlhoko.”—1 Petere 2:7-10.

Ka jalo, Bakeresete ba ba tlhophilweng ka moya o o boitshepo ke setšhaba sa semoya, maloko a sone ga a tlhophiwe go ikaegile ka gore ba tsholetswe mo lotsong lofe kgotsa gore ba nna kae. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa kgang eno jaana: “Go rupa ga se sepe le fa e le go sa rupang, mme popo e ntšha ke sengwe. Mme botlhe ba ba tla tsamayang ka thulaganyo ka molao ono wa boitshwaro, a go nne kagiso le kutlwelobotlhoko mo go bone, le eleng mo go Iseraele wa Modimo.”—Bagalatia 6:15, 16.

Setšhaba sa segompieno sa Iseraele sone se letlelela Mojuda mongwe le mongwe wa tlholego kgotsa yo o sokologetseng mo Sejudeng go nna karolo ya sone, mme batho ba ba letlelelwang go nna mo setšhabeng se Baebele e reng ke “Iseraele wa Modimo” ke fela ba ba ‘utlwang le ba ba kgatšhitsweng ka madi a ga Jesu Keresete.’ (1 Petere 1:1, 2) Fa Paulo a ne a bua ka maloko ano a Iseraele wa Modimo kgotsa Bajuda ba semoya, o ne a re: “Yo e leng Mojuda kafa ntle ga se ene, le gone go rupa ga se mo go kafa ntle mo nameng. Mme Mojuda ke yo e leng ene mo teng, mme go rupa ga gagwe ke ga pelo ka moya, mme e seng ka melao e e kwadilweng. Pako ya yoo e tswa mo Modimong, e seng mo bathong.”—Baroma 2:28, 29.

Temana eo e re thusa go tlhaloganya kgang e e tsosang dipotso e Paulo a neng a e bua. Mo lekwalong le Paulo a neng a le kwalela Baroma o ne a tlhalosa kafa Bajuda ba tlholego ba ba sa dumelang ba neng ba tshwana ka teng le dikala tsa setlhare sa tshwantshetso sa motlhware tse di neng di kgaotswe gore “dikala” tsa “naga” tse e leng Baditšhaba di tle di lomelelwe. (Baroma 11:17-21) O ne a konela setshwantsho seno ka go re: “Go kgwaralala ga maikutlo go diragaletse Iseraele ka bontlhanngwe go fitlha palo e e tletseng ya batho ba ditšhaba e sena go tsena, mme ka mokgwa ono Iseraele yotlhe e tla bolokwa.” (Baroma 11:25, 26) A Paulo o ne a bolelela pele ka go sokologa ka motsotso wa bofelo ga Bajuda ba bantsi ba sokologela mo Bokereseteng? Nnyaa, o ne a sa bue ka seo.

Setshwantsho sa ga Paulo sa setlhare sa motlhware se ne se kaya eng?

Fa Paulo a ne a re “Iseraele yotlhe” o ne a bua ka Iseraele yotlhe ya semoya—Bakeresete botlhe ba ba tlhophilweng ka moya o o boitshepo. O ne a re Bajuda ba tlholego ba ba neng ba sa amogele Mesia ba ne ba ka se kgoreletse boikaelelo jwa Modimo jwa go nna le ‘setlhare sa motlhware’ sa semoya se se tletseng dikala tse di ungwang. Seno se dumalana le setshwantsho sa ga Jesu se mo go sone ene a leng setlhare sa mofine se dikala tsa sone tse di sa ungweng di tla kgaolwang. Jesu o ne a re: “Ke nna mofine wa boammaaruri, mme Rre ke modiri wa mo tshimong. Kala nngwe le nngwe e e mo go nna e e sa ungweng maungo o a e tlosa, mme nngwe le nngwe e e ungwang maungo o a e phepafatsa, gore e tle e ungwe maungo a a oketsegileng.”—Johane 15:1, 2.

Le fa go tlhomiwa ga Setšhaba sa Iseraele sa segompieno go ne go sa bolelelwa pele mo Baebeleng, go tlhomiwa ga setšhaba sa Iseraele wa semoya gone go ne go boleletswe pele! Fa o bone setšhaba seno sa semoya gompieno e bile o itsalanya le sone o tla bona masego a nnelang ruri.—Genesise 22:15-18; Bagalatia 3:8, 9.