Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Edene A e Ne e Le Lone Legae la Batho la Kwa Tshimologong?

Edene A e Ne e Le Lone Legae la Batho la Kwa Tshimologong?

Edene A e Ne e Le Lone Legae la Batho la Kwa Tshimologong?

AKANYA fela o le mo tshimong. Ga go na sepe se se go kgoreletsang, ga o itewe tsebe ke medumo ya botshelo jwa toropo. Tshimo eno e kgolo e bile ga go sepe se se kgoreletsang tshisibalo ya yone. Se se molemo le go feta ke gore ga o tshwenyege ka sepe, ga o na bolwetse bope le fa e le ditlhabi. Ditemosi tsa gago di go thusa go itumelela lefelo le o leng mo go lone.

Sa ntlha o itumelela go bona malomo a mantle a mebala e e galotseng, molatswana o o elelang le mefuta e mentsintsi ya botala jwa makakaba le bojang tse di mo letsatsing le mo moriting. O tlhabiwa ke pheswana e e monate e bile o hema monko o o monate o o tlang le yone. O utlwa modumo wa makakaba a fokwa ke phefo, metsi a itaagana mo mafikeng, melodi ya dinonyane le medumo ya ditshenekegi. Fa o ntse o bona tiragalo eno ka leitlho la mogopolo, a ga o eletse go nna mo lefelong le le ntseng jalo?

Batho mo lefatsheng lotlhe ba dumela gore kwa tshimologong batho ba ne ba nna mo lefelong le le ntseng jalo. Maloko a Tumelo ya Sejuda, a madumedi a a ipitsang a Bokeresete le a Iselamo ga a bolo go rutiwa ka tshimo ya Edene, kwa Modimo a neng a baya Adame le Efa teng. Go ya ka Baebele, ba ne ba nna ka kagiso e bile ba itumetse. Ba ne ba dirisana sentle, ba na le kagiso le diphologolo le Modimo, yo ka bopelonomi a neng a ba naya tsholofelo ya go tshela ka bosakhutleng mo tikologong eo e e itumedisang.—Genesise 2:15-24.

Bahindu le bone ba na le se ba se dumelang ka paradaise ya motlha wa bogologolo. Babuda ba dumela gore baeteledipele ba bone ba bagolo ba bodumedi kgotsa Bobuda, ba tswa mo metlheng e e ntseng jalo ya fa lefatshe le ntse jaaka paradaise. Ditumelo di le dintsi mo Afrika di ruta dipolelo tse di tshwanang thata le ya ga Adame le Efa.

E bile tota kgang ya paradaise ya bogologolo e ka fitlhelwa mo madumeding a le mantsi le mo dipolelong tsa bogologolo. Mokwadi mongwe o ne a re: “Ditšhaba di le dintsi di ne di dumela mo paradaiseng ya bogologolo e kwa go yone go neng go na le boitekanelo, kgololesego, kagiso, boitumelo mme batho ba sa tlhaele sepe e bile go se na dikgoreletsi, go ngomoga pelo le dikgotlhang. . . . Tumelo eno e ne ya dira gore batho ba eletse paradaise e e sa tlholeng e le gone mme ba leke go e bona gape.”

A go ka direga gore dilo tseno tsotlhe tse batho ba di dumelang le dipolelo tsa bogologolo kaga paradaise di tswa mo moding o le mongwe? A go ka direga gore batho ba ne ba tlhotlhelediwa ke sengwe se tota se neng sa diragala? A ruri bogologolo go kile ga nna le tshimo ya Edene le Adame le Efa ba mmatota?

Batho ba ba belaelang ba sotla ka kgang eno. Mo motlheng ono wa saense, batho ba le bantsi ba akanya gore dipego tse di ntseng jalo ke ditlhamane fela le mainane. Se se gakgamatsang ke gore mo bathong ba ba belaelang, ga se botlhe ba ba seng mo bodumeding. Baeteledipele ba bantsi ba madumedi ba rotloetsa batho gore ba se ka ba dumela gore go kile ga nna le tshimo ya Edene. Ba re ga go ise go ko go nne le lefelo le le ntseng jalo. Ba re pego eno ke setshwantsho kgotsa tlhamane fela.

Gone ke boammaaruri gore Baebele e na le ditshwantsho. Jesu o ne a bua a dirisa ditshwantsho mme di ne tsa itsege thata. Le fa go ntse jalo, Baebele e bua ka pego ya Edene ka tsela e e utlwalang sentle e le tiragalo ya mo nakong e e fetileng e seng e le setshwantsho. Mme fa e le gore ditiragalo tse di tlhalositsweng ga di ise di ko di diragale, jaanong re ka ikanya jang dikarolo tse dingwe tsa Baebele? A re sekaseke gore ke ka ntlha yang fa batho ba bangwe ba belaela gore tshimo ya Edene e ne ya nna teng mme re bone gore a mabaka a bone a a utlwala. Go tswa foo re tla bona gore ke ka ntlha yang fa pego eno e tshwanetse go ama mongwe le mongwe wa rona.