Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A go A Kgonega go Ikanyega mo Lefatsheng le le Tletseng Bonweenwee?

A go A Kgonega go Ikanyega mo Lefatsheng le le Tletseng Bonweenwee?

“Re eletsa go itshwara ka boikanyegi mo dilong tsotlhe.”—BAHEBERA 13:18.

LE FA go na le tlhotlheletso e e maatla ya bosaitekanelang jwa rona, lefatshe le re nnang mo go lone le tlhotlheletso ya ga Diabolo, re ka kgona go lwantsha tlhotlheletso eo! Re ka dira seo jang? Ka go atamalana le Modimo le go dirisa melaometheo e e itshupileng e le mosola e e mo Lefokong la gagwe, Baebele. Ela tlhoko dikai tseno tse pedi.

MOLAOMOTHEO WA BAEBELE: “Lo se ka lwa itshwara jaaka lefatshe le lo tshelang mo go lone.”—Baroma 12:2, New Jerusalem Bible.

“Baebele e nthusitse go bona melemo ya go ikanyega.”—GUILHERME

Maitemogelo a mmatota: Guilherm e ke rakgwebo yo o atlegileng wa kwa Brazil. O a dumela gore ga go motlhofo go ikanyega. A re: “Go motlhofo gore motho a simolole go sa ikanyege mo kgwebong, gongwe e le ka ntlha ya kgatelelo ya go fitlhelela mekgele ya khampani kgotsa e le ka go bo a batla go atlega mo lefatsheng leno le le tletseng kgaisano. Batho ba le bantsi ba tsaya go naya batho pipamolomo kgotsa go amogela pipamolomo e le selo se se tlwaelegileng. Fa o sa tswa go simolola kgwebo e e ka dirang gore o latlhegelwe ke madi e bile go na le dilo di le dintsi tse o tshwanetseng go di duela, go ikanyega e ka nna kgwetlho.”

Le fa go ntse jalo, Guilherme o ne a atlega go lwantsha kgatelelo ya go sa ikanyege. A re: “Motho a ka kgona go ikanyega tota le mo ditirisanong tsa kgwebo tse mo go tsone batho ba le bantsi ba sa lateleng melao. O tshwanetse go tshela ka melao e e tlhomameng ya boitsholo. Baebele e nthusitse go bona melemo ya go ikanyega. Motho yo o ikanyegang o na le segakolodi se se phepa, o ritibetse e bile o a itlotla. A ka nna le tlhotlheletso e e siameng mo bathong ba a tshelang le bone.”

MOLAOMOTHEO WA BAEBELE: “Batho ba ba batlang go huma ba wela mo mefuteng yotlhe ya dithaelo le dirai. Ba tshwarwa ke dikeletso tsa boeleele le tse di kotsi tse di ba digelang kwa tlase le go ba senya. Go rata madi go baka mathata a mefuta yotlhe.”—1 Timotheo 6:9, 10, Contemporary English Version.

“Ke itumelela gore go dirisa melaometheo ya Baebele ya maemo a a kwa godimo ya boitsholo, go ile ga dira gore ke itirele leina le le molemo.”—ANDRÉ

Maitemogelo a mmatota: André, ke mong wa khampani e e tsenyang dithulaganyo tsa eleketeroniki tsa go thibela magodu. Bangwe ba batho ba ba dirang kgwebo le bone ke setlhopha se segolo sa kgwele ya dinao. Ka lekgetlho lengwe, morago ga motshameko o mogolo wa kgwele ya dinao, André o ne a ya kwa diofising tsa tsamaiso a isa pampiri ya tshupamolato ya tiro e a e dirileng. Lefapha la tsa madi le ne le sa ntse le bala madi a le neng le sa tswa go a amogela kwa ofising ya dithekete. E re ka go ne go setse go le bosigo, ka lepotlapotla mookamedi o ne a duela barekisi go akaretsa le André.

André o tlhalosa jaana: “Fa ke le mo tseleng ke ya gae, ke ne ka lemoga gore mookamedi yoo o ne a nneile madi a a fetang a a neng a tshwanetse go a ntuela. Ke ne ke itse gore go ka direga gore a se ka a itse gore ke mang yo o filweng madi a mantsi. Gape ke ne ke itse gore motho yono wa batho o ne a tla tshwanelwa ke go duela madi a a tlhaelang ka madi a gagwe! Ke ne ka swetsa ka gore ke boele kwa go ene. Ke ne ka kgona go feta mo gare ga boidiidi jwa barati ba kgwele ya dinao ke bo ke busa madi ao. Mookamedi yoo o ne a gakgamala fela thata. Go ne go se na motho ope yo o kileng a mmusetsa madi.”

André o tswelela ka go re: “Go ikanyega jalo go ile ga dira gore mookamedi yoo a ntlotle. Go setse go fetile dingwaga di le mmalwa, mme mo bathong ba ntlha ba ba neng ba dira kgwebo le ene, ke nna fela ke sa ntseng ke na le tumalano ya tiro le setlhopha seo sa kgwele ya dinao. Ke itumelela gore go dirisa melaometheo ya Baebele ya maemo a a kwa godimo ya boitsholo go ile ga dira gore ke itirele leina le le molemo.”

Go a kgothatsa go itse gore, ka thuso ya Modimo, re ka kgona go lwantsha dilo tse di nang le tlhotlheletso e e sa siamang. Le fa go ntse jalo, maiteko a mongwe le mongwe a a dirang a ka se ka a fedisa bonweenwee gotlhelele. Dilo tse di bo bakang di raraane thata—di raraane mo batho ba ba sa itekanelang ba ka se kgoneng go di rarabolola ka bobone. Mme a seno se raya gore le ka motlha bonweenwee bo ka se fele? Setlhogo sa bofelo mo motseletseleng ono se tlhalosa karabo e e kgothatsang ya Baebele.