Kgotlatshekelo ya Yuropa e Tshegetsa Ditshwanelo Tsa Batho Tsa go Gana ka Ntlha ya Segakolodi
BASUPI BA GA JEHOFA lefatshe ka bophara ba itsege e le batho ba ba sa tseyeng letlhakore mo dipolotiking le mo dintweng tsa naga epe fela. Ba dumela ba tlhomamisegile gore ba tshwanetse go “thula ditšhaka tsa bone ba di dira magale a megoma” le gore ba se ‘tlhole ba ithuta ntwa gape.’ (Isaia 2:4) Ga ba kgoreletse batho ba ba tlhophang go dira tiro ya bosole. Mme go tweng fa segakolodi sa Mosupi se sa mo letle go dira tiro ya bosole fa naga e a nnang kwa go yone e go dira molao? Lekawana lengwe le le bidiwang Vahan Bayatyan le ne le lebane le boemo jo bo ntseng jalo.
Ditiragalo Tse di Dirileng Gore Kgetsi e ye Kwa Kgotlatshekelong ya Yuropa
Vahan o tsholetswe kwa Armenia ka April 1983. Ka 1996, ene le bangwe ba lelapa la gaabo ba ne ba simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa, mme o ne a kolobediwa a na le dingwaga di le 16. Ka ntlha ya go ithuta Baebele, Vahan o ne a simolola go tlotla dithuto tsa ga Jesu Keresete thata, go akaretsa le kaelo e Jesu a neng a e neile balatedi ba gagwe ya gore ba se ka ba dirisa dibetsa. (Mathaio 26:52) Ka jalo, nakwana fela fa Vahan a sena go kolobediwa, o ne a tlhoka go dira tshwetso e e botlhokwa thata mo botshelong jwa gagwe.
Molao wa puso ya Armenia o pateletsa makawana otlhe a a nang le dingwaga di le 18 go dira tiro ya bosole. Fa ba gana go dira tiro eno, ba ne ba ka atlholelwa dingwaga di le tharo mo kgolegelong. Vahan o ne a batla go direla baagi ka ene. Ka fa letlhakoreng le lengwe, o ne a sa batle go dira sengwe se se kgatlhanong le segakolodi sa gagwe se se thapisitsweng ka Baebele. Ka jalo, o ne a dira eng?
Fela fa Vahan a setse a na le dingwaga tse di mo letlang go dira tiro ya bosole ka 2001, o ne a simolola go kwalela balaodi ba Armenia. Mo makwalong a gagwe o ne a tlhalosa gore tiro e ntseng jalo e kgatlhanong le segakolodi sa gagwe le dilo tse a di dumelang. Ka nako e e tshwanang, o ne a tlhalosa gore o ikeetleeditse go dira tiro e nngwe e e seng ya bosole.
Go ne ga feta ngwaga Vahan a ntse a dira
boikuelo kwa balaoding gore ba amogele kopo ya gagwe ya go gana go dira tiro ya bosole. Le fa go ntse jalo, Vahan o ne tshwarwa ka September 2002 mme morago o ne a latofadiwa ka go gana go ikobela taelo ya go dira tiro ya bosole. O ne a atlholelwa dikgwedi di le 18 mo kgolegelong. Le fa go ntse jalo, mosekisi o ne a sa kgotsofalela katlholo eo. Kgwedi fela morago ga katlholo, mosekisi o ne a dira boikuelo kwa kgotlatshekelong gore katlholo e okediwe. O ne a tlhalosa gore mabaka a ga Vahan a go gana go dira tiro ya bosole ka ntlha ya segakolodi a ne a sa “utlwale e bile a ne a le kotsi.” Kgotlatshekelo ya boikuelo e ne ya amogela kopo ya mosekisi mme ya oketsa katlholo ya ga Vahan go nna dikgwedi di le 30.Vahan o ne a dira boikuelo kgatlhanong le tshwetso eno kwa kgotlatshekelokgolo ya Armenia. Ka January 2003, Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang e ne ya tshegetsa tshwetso e e dirilweng ke kgotlatshekelo ya boikuelo. Ka bonako fela Vahan o ne a isiwa kwa kgolegelong go simolola katlholo ya gagwe a na le babolai, barekisi ba diokobatsi le babeteledi.
Se se Diragetseng Kwa Kgotlatshekelong ya Yuropa
Fa e sa le ka 2001, Armenia e ntse e le leloko la Lekgotla la Yuropa. Ka jalo, baagi ba gone ba na le tshwanelo ya go ya kwa Kgotlatshekelong ya Ditshwanelo Tsa Batho (European Court of Human Rights [ECHR]) fa ba setse ba lekile go dirisa ditsela tsotlhe tsa semolao tsa naga ya bone mme ba paletswe. Ke se Vahan a ileng a tlhopha go se dira. Mo lekwalong la gagwe la boikuelo o ne a tlhalosa gore go tshwarwa ga gagwe ka ntlha ya go gana go direla mo sesoleng go ne go thulana le Molawana 9 wa Tumalano ya Yuropa ya Ditshwanelo Tsa Batho. O ne a kopa gore tshwanelo ya gagwe ya go gana go dira tiro ya bosole ka ntlha ya segakolodi e sirelediwe go ya ka molawana ono—e leng selo se go iseng go dumalanwe ka sone mo nakong e e fetileng.
Ka October 27, 2009, ECHR e ne ya ntsha katlholo ya yone. Go ya ka molao o o amanang le kgetsi e go buiwang ka yone, kgotlatshekelo e ne ya tlhalosa gore kgololesego ya segakolodi e e tlhalosiwang mo go Molawana 9 o o tlhomilweng ke Tumalano ya Yuropa ga o sireletse ditshwanelo tsa batho ba ba ganang go dira tiro ya bosole ka ntlha ya segakolodi.
Ka nako eo, Vahan o ne a sa bolo go gololwa kwa kgolegelong, a nyetse e bile a na le ngwana wa mosimane. Katlholo eo e ne e kgobile Vahan marapo. Mme o ne a tshwanelwa ke go tlhopha gore a o tlogela kgetsi eo kgotsa o dira boikuelo kwa Kgotlakgolong ya Kgotlatshekelo ya ECHR. O ne a tlhopha go dira boikuelo. Kgotlakgolo ya Kgotlatshekelo e amogela fela dikgetsi tse di tlhomologileng, ka jalo Vahan o ne a itumela fa e ne e swetsa ka gore e tla sekaseka kgetsi ya gagwe gape.
Kgabagare, ka July 7, 2011, kwa Strasbourg kwa Fora, Kgotlakgolo ya Kgotlatshekelo ya ECHR e ne ya ntsha katlholo ya yone. Kgotlatshekelo e ne ya dira tshwetso e ikaegile ka baatlhodi ba le 16 ba ba neng ba dumela gore tshwanelo ya kgololesego ya segakolodi ya ga Vahan Bayatyan ya go gana go
dira tiro ya bosole e ne e itlhokomolositswe ke puso ya Armenia ka go mo tsenya mo kgolegelong, mme e ne e le moatlhodi a le mongwe fela yo o neng a sa dumalane le tshwetso eo. Moatlhodi yo o tswang kwa Armenia o ne a ema kafa letlhakoreng la puso ya Armenia.Ke ka ntlha yang fa katlholo eo e le botlhokwa? Ka gonne e ne e le la ntlha go direga kwa ECHR gore tshwanelo ya go gana go dira tiro ya bosole ka ntlha ya segakolodi e tsewe e sirelediwa ke Molawana 9 wa Tumalano ya Kgotlatshekelo. Ka ntlha ya seno, kgotlatshekelo e tsaya go tshwara batho ba ba ganang go dira tiro ya bosole ka ntlha ya segakolodi e le go itlhokomolosa ditshwanelo tsa batho mo pusong ya temokerasi.
Kgotlatshekelo e ne ya bua se se latelang ka seemo sa Basupi ba ga Jehofa ba ba ganang go dira tiro ya bosole ka ntlha ya segakolodi: “Kgotlatshekelo ga e na lebaka la go belaela gore molatofadiwa o ne a gana go dira tiro ya bosole ka ntlha ya mabaka a bodumedi, a a neng a le botlhokwa thata mo e leng gore o ne a ka se ka a a itlhokomolosa ka go dira tiro ya bosole.”
Tsela e ba Ileng ba Ikutlwa ka Yone ka Tshwetso
Mo masomeng a fetang a mabedi a dingwaga, Basupi ba ga Jehofa ba ba fetang 450 ba ile ba tshwarelwa go gana go dira tiro ya bosole ka ntlha ya segakolodi. Ka nako ya fa setlhogo seno se ne se kwalwa, go ne go na le makawana a le 58 a a neng a tshwerwe kwa nageng eo ka go bo ba ne ba gana go dira tiro bosole ka ntlha ya segakolodi ba dira seo ka mabaka a bodumedi jwa bone. Ba le batlhano ba bone ba ne ba tshwarwa morago ga tshwetso e e botlhokwa mo kgetsing e Bayatyan a neng a bonwa molato kgatlhanong le puso ya Armenia mo go yone. * Mo go nngwe ya dikgetsi tseo, fa lekawana lengwe le le ganang go dira tiro ya bosole ka ntlha ya segakolodi le ne le kopa mosekisi gore a fedise ditatofatso kgatlhanong le lone tsa go gana go dira tiro ya bosole ka ntlha ya segakolodi, mosekisi o ne a gana. Fa mosekisi a mo araba ka lekwalo o ne a re: “Katlholo e e dirilweng ke Kgotlatshekelo ya Yuropa mo kgetsing e Bayatyan a ileng a bonwa molato kgatlhanong le Armenia ka letlha la July 7, 2011, ga e dire mo kgetsing eno, e re ka go bonala sentle gore dikgetsi tse pedi tseno ga di tshwane.”
Ke ka ntlha yang fa mosekisi a ne a ikutlwa jalo? Fa Vahan Bayatyan a ne a atlholwa go ne go se na thulaganyo ya go itlhophela go dira tiro nngwe e e seng ya bosole mo lefelong leo. Puso ya Armenia e bontsha gore fa e sa le ka nako eo go ile ga tlhomiwa molao o o dirang gore go nne le thulaganyo eno, ka jalo, batho ba ba sa batleng go dira tiro ya bosole gone jaanong ba kgona go tlhopha go dira tiro e nngwe e e seng ya bosole. Le fa go ntse jalo, molao ono wa go dira tiro e nngwe e e seng ya bosole o laolwa ke sesole, ka jalo ga o ame batho ba bantsi ba ba ganang go dira tiro ya bosole ka ntlha ya segakolodi ba gone jaanong ba bidiwang go tla go ikwadisetsa go dira tiro ya bosole.
Vahan Bayatyan o itumedisitswe ke tshwetso e e botlhokwa e e neng ya dirwa go mo ema nokeng. Jaanong katlholo eo e pateletsa puso ya Armenia gore e tlogele go sekisa le go tsenya batho ba tumelo ya bone e sa ba letleng go dira tiro ya bosole mo kgolegelong.
Ga se boikaelelo jwa Basupi ba ga Jehofa go fetola molao wa naga epe fela. Le fa go ntse jalo, fela jaaka Vahan Bayatyan yo mosha a ile a dira, ba batla go itse gore ditshwanelo tsa bone tsa semolao ke dife go ya ka melao ya dinaga tse ba nnang mo go tsone. Ka ntlha yang? Gore ba tswelele ba tshela ka kagiso e bile ba ikobela ditaelo tsotlhe tsa Moeteledipele wa bone e bong Jesu Keresete ba gololesegile.
^ ser. 17 Makawana a mabedi a ne a atlholwa ka July 7, 2011, ka lone letsatsi le ECHR e neng ya ntsha katlholo ya yone.