Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele

Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele

Ke ka ntlha yang fa Jesu a bidiwa Morwa Modimo?

Modimo ga a na mosadi wa mmatota yo a ileng a nna le bana le ene. Ke Mmopi wa dilo tsotlhe tse di tshelang. Batho ba ile ba bopiwa ka tsela e ba ka kgonang go etsa dinonofo tsa Modimo ka yone. Ke ka lebaka leo motho wa ntlha yo Modimo a mmopileng e bong Adame, a bidiwa “morwa Modimo.” Ka tsela e e tshwanang, Jesu o bidiwa “Morwa Modimo” ka gonne o ne a bopiwa a na le dinonofo tse di tshwanang le tsa ga Rraagwe.—Bala Luke 3:38; Johane 1:14, 49.

Jesu o ne a bopiwa leng?

Modimo o ne a bopa Jesu pele ga a bopa Adame. Tota e bile, Modimo o ne a bopa Jesu mme morago ga foo a mo dirisa go dira dilo tse dingwe tsotlhe, go akaretsa le baengele. Ke ka moo Baebele e reng Jesu ke “leitibolo la popo yotlhe” ka Modimo.—Bala Bakolosa 1:15, 16.

Pele ga Jesu a tsholwa kwa Bethelehema, o ne a tshela e le sebopiwa sa moya kwa legodimong. Ka nako e e tshwanetseng, Modimo o ne a fetisetsa botshelo jwa ga Jesu go tswa kwa legodimong mo popelong ya ga Marea gore a tle go tsholwa e le motho.—Bala Luke 1:30-32; Johane 6:38; 8:23.

Ke ka ntlha yang fa Modimo a ne a dira gore Jesu a tsholwe mo lefatsheng e le motho? Jesu o ne a fitlhelela eng se se kgethegileng? O ka bona dikarabo tsa dipotso tseo mo Baebeleng mme di tla go thusa thata gore o tlhaloganye botoka le go anaanela se Modimo le Jesu ba se go diretseng.