Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 SETLHOGO SA KA FA NTLE

A Batho ba Tla Senya Lefatshe Gotlhelele?

A Batho ba Tla Senya Lefatshe Gotlhelele?

“Kokomana e a tsamaya, e bile kokomana e a tla; mme lefatshe le eme ka bosakhutleng.”—KGOSI SOLOMONE, WA LEKGOLO LA BO11 LA DINGWAGA B.C.E. *

Go ya ka mokwadi yono wa bogologolo wa Baebele, lobaka lo motho a lo tshelang lo lokhutshwane thata fa lo bapisiwa le lefatshe le le nnelang ruri. Boammaaruri ke gore, ka dingwagangwaga, dikokomana di ne tsa tla tsa bo tsa tsamaya mme lefatshe lone ga le senyege e bile le tlhomame mo go direng gore botshelo bo tswelele bo le gone—go fitlha jaanong.

Fa e sa le ka Ntwa ya Lefatshe II, maemo a lefatshe a fetogile ka lobelo lo logolo go gaisa le fa e le leng pele. Mo dingwageng di ka nna 70 fela, go nnile le kgatelopele e kgolo mo go tsa dipalangwa, tsa tlhaeletsano le tsa thekenoloji mme seo sa tlisa diphetogo tse dikgolo tsa ikonomi. Batho ba le bantsi ba tshela botshelo jo go neng go lebega bo ka se kgonege. Go ntse go le jalo, palo ya baagi ba lefatshe e oketsegile mo e batlang e le gararo.

Mme gone, dilo tseno tsotlhe di bakile tshenyo e e seng kana ka sepe. Dilo tse batho ba di dirang di senya lefatshe thata jaana mo e leng gore go ise go ye kae medikologo ya lone ya tlholego e tla palelwa ke go dira gore botshelo bo tswelele bo le gone. Tota e bile, baitsesaense bangwe ba re re tshela mo nakong e e bidiwang Anthropocene—e leng motlha o mo go one batho ba senyang lefatshe.

Baebele e boleletse pele nako e ka yone batho ba neng ba tla ‘senya lefatshe.’ (Tshenolo 11:18) Bangwe ba ipotsa gore a re tshela mo nakong eo. Dilo di tla senyegela pele go le kana kang? A go tla tsamaya go siama? A mme batho ba tla senya lefatshe gotlhelele?

 A GO TLA TSAMAYA GO SIAMA?

A lefatshe le tla senyegela pele mo le se kitlang le baakanngwa? Baitsesaense bangwe ba tsaya gore go ka nna thata go itse gore diphetogo tsa maemo a bosa di tla baka mathata afe. Seno se dira gore ba tshwenngwe ke gore re ka tswa re atamela seemo se mo go sone diphetogo tseo tse di sa lebelelwang e bile di direga ka tshoganyetso di ka bakang masetlapelo.

Ka sekai, akanya ka West Antarctic Ice Sheet (Kgapetla ya Lewatle ya West Antarctica). Bangwe ba dumela gore fa dithemperetšha tsa lefatshe le lewatle di ka nna di tlhatloga jaana go tla nna le nako e kgapetla ya lewatle e tla gakologang ka yone mme e ka se boe e nna kgapetla gape. Seno se ka direga ka gonne kgapetla e e mo godimo ga lewatle ke yone e thibelang marang a letsatsi. Mme fa kgapetla eno e nna tshesane e bile e ngotlega e ka dira gore karolo e e fa godimo ya lewatle e e leng kgapetla e e neng e sa fitlhelelwe ke letsatsi e bonale. Mogote o montsi o ka dira gore e gakologe ka tsela e e feteletseng. Mme fa seno se ka tswelela, dilo di ka senyegela pele. Fa kgapetla e e mo lewatleng e gakologa mme metsi a tlala mo lewatleng, seo se ka bakela batho ba le bantsi masetlapelo.

GO SENNGWA GA LEFATSHE GO A OKETSEGA

Go akantshitswe dilo tse di farologaneng go rarabolola bothata jo re lebaneng le jone jo baitsesaense ba bo bitsang “planetary emergency” (bothata jwa go fetofetoga ga maemo a bosa). Sengwe sa dilo tseo se se sa bolong go dirisiwa ke go tsweletsa ditlhabologo, mo go rayang go tlhabolola ikonomi le go dirisana ga batho ka tsela e e se kitlang e senya lefatshe. Diphelelo e nnile dife?

Ka maswabi, fela jaaka go na le bothata jo bo anameng jwa go tsena mo dikolotong mo batho ba felelwang ke madi, lefatshe le lone le felelwa ke dikungo tsa lone ka gonne di dirisiwa thata. Lefatshe ga le tlhole le kgona go ntsha dikungo tsa lone sentle jaaka le tshwanetse ka gonne batho ba di dirisa thata. A go sengwe se se ka dirwang? Moitseikholoji mongwe a re: “Tota ga re itse gore re ka dirisa lefatshe jang ka tsela e e molemo.” Boemo jono bo dumalana sentle le se Baebele e se buileng: “Ga se ga motho yo o tsamayang ka dinao go kaela dikgato tsa gagwe.”—Jeremia 10:23.

Ka fa letlhakoreng le lengwe, Baebele e re tlhomamisetsa gore Modimo yo e leng Mmopi, ga a kitla a letla batho ba senya tikologo ya lefatshe gotlhelele. Re bala jaana mo go Pesalema 115:16: “Lefatshe [Modimo]  o le neile bana ba batho.” Polanete ya rona ke ‘mpho e e molemo’ e e tswang kwa go Rraarona yo o kwa legodimong. (Jakobe 1:17) A re ka lebelela gore Modimo a re neye mpho e e molemo e e dirang ka nakwana? Nnyaa, le e seng! Re bona seno sentle mo tseleng e polanete ya rona e dirilweng ka yone.

SE MMOPI A SE IKAELETSENG

Buka ya Baebele ya Genesise e re bolelela ka botlalo kafa Modimo a bopileng lefatshe ka matsetseleko ka gone. Kwa tshimologong, lefatshe le ne le tlhalosiwa le “tobekane fela le kgakgabetse e bile go le lefifi mo godimo ga bodiba.” Mme e bua ka tlhamalalo ka “metsi”—motswedi wa botshelo—a a mo lefatsheng. (Genesise 1:2) Go tswa foo, Modimo o ne a re: “A go nne lesedi.” (Genesise 1:3) Go bonala marang a letsatsi a ne a tsenelela mo loaping mme ga simolola go nna lesedi mo lefatsheng. Mme go tswa foo, go umakiwa go dirwa ga mmu o o omileng le mawatle. (Genesise 1:9, 10) Morago ga moo, go ne ga tlhoga “bojang, dimela tse di ntshang peo kafa mofuteng wa tsone le ditlhare tse di ungwang maungo.” (Genesise 1:12) Dielemente tse di tlhokegang tsa medikologo e e botlhokwa ya botshelo kgotsa dilo tse di diregang ka tatelano—jaaka fotosentesese—di ne tsa nna gone. Modimo o ne a ikaeletse eng fa a ne a dira dilo tseno tsotlhe?

Moporofeti wa bogologolo e bong Isaia o ne a tlhalosa Modimo e le “Mmopi wa lefatshe le Modiri wa lone, ene yo o le tlhomamisitseng thata, yo o sa le bopelang lefela, yo o le bopetseng go nniwa.” (Isaia 45:18) Boikaelelo jwa Modimo ke gore batho ba nne mo lefatsheng ka bosakhutleng.

Ka maswabi, motho o dirisitse mpho e e molemo ya Modimo ka tsela e e sa siamang a bo a e senya. Le fa go ntse jalo, boikaelelo jwa Mmopi ga bo a fetoga. Monna mongwe wa bogologolo o ne a re: “Modimo ga se motho gore a ka bua maaka, e bile ga se morwa motho gore a ka ikwatlhaya. A ene ka boene o go boletse mme a ga a kitla a go diragatsa?” (Dipalo 23:19) Tota e bile, go na le gore Modimo a letle lefatshe gore le senngwe, nako ya gagwe e e tlhomilweng ya “go senya ba ba senyang lefatshe” e atamela ka bofefo.—Tshenolo 11:18.

LEFATSHE—LEGAE LA RONA GO YA GO ILE

Mo Therong ya gagwe e e itsegeng thata ya kwa Thabeng, Jesu Keresete o ne a re: “Go itumela ba ba bonolo, e re ka ba tla rua lefatshe.” (Mathaio 5:5) Moragonyana mo go yone thero eo, Jesu o ne a senola tsela e  lefatshe le tla bolokwang ka yone gore le se ka la senngwa. O ne a laela balatedi ba gagwe go rapela jaana: “A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.” Ee, Bogosi jwa Modimo kgotsa puso, bo tla diragatsa boikaelelo jwa Modimo ka lefatshe.—Mathaio 6:10.

Fa Modimo a tlhalosa diphetogo tse Bogosi bo tla di tlisang a re: “Bona! Ke dira dilo tsotlhe disha.” (Tshenolo 21:5) A seno se raya gore Modimo o tla emisetsa lefatshe leno ka le lesha? Nnyaa, ka gonne ga go sepe se se phoso ka lefatshe la rona. Go na le moo, Modimo o tla nyeletsa ba ba bakileng mathata a magolo mo lefatsheng, “ba ba senyang lefatshe” ke gore, batho le dipuso tsa bone. Di tla emisediwa ke “legodimo le lesha le lefatshe le lesha”—puso e ntšha ya kwa legodimong e leng Bogosi jwa Modimo, jo bo tla busang setšhaba se sesha sa batho.—Tshenolo 21:1.

E le gore Modimo a baakanye tshenyo e e bakilweng ke batho, o tla tlatsa lefatshe ka dikungo tse di tla dirang gore go tswelele go na le botshelo. Mopesalema o ne a tlhotlhelediwa go kwala jaana malebana le se Modimo a tla se dirang: “O lebisitse tlhokomelo ya gago mo lefatsheng, gore o tle o le neye letlotlo; o le humisa fela thata.” E re ka maemo a bosa a tla bo a le molemo, mme sa botlhokwa le go feta, lefatshe le tlhokometswe ke Modimo, le tla fetoga paradaise e e nang le dijo tse di lekaneng.—Pesalema 65:9-13.

Pyarelal, e bong mokwaledi wa ga Mohandas Gandhi, yo e neng e le moeteledipele wa bodumedi wa kwa India, o ne a kwala se Mohandas Gandhi, a neng a se bua: “Lefatshe le ntsha se se lekaneng go naya mongwe le mongwe se a se tlhokang e seng se a se eletsang ka bogagapa.” Bogosi jwa Modimo bo tla tlosa se se bakang mathata otlhe a batho ka go fetola dipelo tsa bone. Moporofeti Isaia o ne a bolelela pele gore fa Bogosi bo busa, batho ‘ga ba kitla ba utlwisana botlhoko le fa e le go baka tshenyo’ mo lefatsheng. (Isaia 11:9) Tota e bile, batho ba le bantsi gompieno ba ba tswang mo ditsong tse di farologaneng ba setse ba ithuta ka melao ya Modimo ya maemo a a kwa godimo. Ba rutwa go rata Modimo le moagelani, go bontsha tebogo, go tlhokomela tikologo, go sireletsa dikungo tsa lefatshe le go tshela go dumalana le boikaelelo jwa Mmopi ka lefatshe le batho. Ka go dira jalo, ba baakanyediwa go tshela mo lefatsheng la paradaise.—Moreri 12:13; Mathaio 22:37-39; Bakolosa 3:15.

Modimo ga a kitla a letla lefatshe leno le lentle gore le senngwe gotlhelele

Pego ya popo e e mo bukeng ya Genesise e konela ka mafoko ano: “Modimo a bona sengwe le sengwe se a se dirileng mme, bona! se bo se le molemo tota.” (Genesise 1:31) Boammaaruri ke gore, Modimo ga a kitla a letla lefatshe leno le lentle gore le senngwe gotlhelele. Go itse gore Mmopi wa rona yo o lorato e bong Jehofa Modimo o tla sireletsa lefatshe la rona, go a re gomotsa. O solofetsa jaana: “Basiami ba tla rua lefatshe, mme ba tla aga mo go lone ka bosakhutleng.” (Pesalema 37:29) E kete le wena o ka balelwa mo ‘basiaming’ ba lefatshe e tla nnang legae la bone go ya go ile.

^ ser. 3 Go tswa mo go Moreri 1:4 mo Baebeleng.