Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Molao O ne O Siame e Bile o le Tekatekano?

A Molao O ne O Siame e Bile o le Tekatekano?

MO NAKONG e e fetileng, dikgotlatshekelo tsa batlolamolao tsa kwa nageng nngwe ya Bophirima di ne tsa dumalana le bosupi jwa maaka jwa gore banna bangwe ba babedi ba bolaile motho mme tsa ba atlholela loso. Fa go sena go itsege gore e ne e le bosupi jwa maaka, babueledi ba ne ba dira ka natla go ba golola mme ba kgona go golola a le mongwe fela. Go ne go se sepe se ba neng ba ka se direla monna yo mongwe—o ne a setse a bolailwe.

E re ka tshiamololo e e ntseng jalo e ka nna teng mo tsamaisong epe fela ya semolao, Baebele e kgothatsa jaana: “Tshiamiso—o latelele tshiamiso.” (Duteronome 16:20) Fa baatlhodi ba latelela tshiamiso, baagi ba solegelwa molemo. Molao wa Modimo o ne wa naya Baiseraele ba bogologolo tsamaiso ya semolao e e se nang tlhaolele e bile e le tekatekano. A re latlhele bofofu mo Molaong oo go bona gore a “ditsela tsotlhe tsa [Modimo] di tshiamiso.”—Duteronome 32:4.

BAATLHODI “BA BA BOTLHALE LE BA BA NANG LE TEMOGO LE BA BA NANG LE MAITEMOGELO”

Baatlhodi ba ba tshwanelegang, ba ba siameng le ba ba sa direng ka bonweenwee ba thusa batho go bona dilo tse ba di tlhokang. Molao o Modimo a o neileng Baiseraele o ne o tsaya baatlhodi ba ba ntseng jalo ba le botlhokwa tota. Kwa tshimologong ya loeto lwa bone mo nageng, Moshe o ne a laelwa gore a batle “banna ba ba nang le bokgoni, ba ba boifang Modimo, banna ba ba ikanyegang, ba ba tlhoileng poelo e e sa siamang” gore ba nne baatlhodi. (Ekesodo 18:21, 22) Dingwaga di le masome a manè moragonyana, o ne a gatelela gape gore go batliwe “banna ba ba botlhale le ba ba nang le temogo le ba ba nang le maitemogelo” gore ba atlhole batho.—Duteronome 1:13-17.

Makgolokgolo a dingwaga moragonyana, Kgosi Jehoshafate * wa Juda o ne a laela baatlhodi jaana: “Lo bone se lo se dirang, ka gonne ga lo atlholele motho mme lo atlholela Jehofa; mme o na le lona mo kgannyeng ya katlholo. Jaanong a go boifa Jehofa go nne mo go lona. Nnang kelotlhoko mme lo dire, gonne ga go na tshiamololo mo go Jehofa Modimo wa rona kgotsa tlhaolele kgotsa go amogela pipamolomo.” (2 Ditiragalo 19:6, 7) Kgosi e ne ya gopotsa baatlhodi gore fa ba ka letla tlhaolele le bogagapa di ama ditshwetso tse ba di dirang, Modimo o ne a tla ba bona molato ka diphelelo dipe tse di utlwisang botlhoko tse di neng di tla nna teng.

Fa baatlhodi ba Baiseraele ba ne ba latela melao eo, setšhaba se ne se ikutlwa se sireletsegile e bile se babalesegile. Mme Molao wa Modimo o ne o na le melaometheo e e neng e thusa baatlhodi go dira ditshwetso tse di siameng, tota le mo dikgetsing tse di thata. Mengwe ya melaometheo eo ke efe?

MELAOMETHEO E E THUSITSENG GO DIRA DITSHWETSO TSE DI MOLEMO

Le fa baatlhodi ba ba tlhophilweng ba ne ba le botlhale e bile ba na le bokgoni, ba ne ba sa tshwanela go ntsha dikatlholo ba ikaegile ka botlhale kgotsa bokgoni jwa bone jwa tlholego. Jehofa Modimo o ne a ba neile melaometheo kgotsa dikaelo tse di neng di tla ba thusa go dira ditshwetso tse di siameng. Tseno ke dingwe tsa dikaelo tse di neng tsa newa baatlhodi ba Baiseraele.

Dira dipatlisiso ka botlalo. Modimo o ne a dirisa Moshe go laela baatlhodi ba Baiseraele jaana: “Fa lo reetsa kgang fa gare ga bomorwaalona, lo atlhole ka  tshiamo.” (Duteronome 1:16) Baatlhodi ba ka ntsha katlholo e e siameng fela fa ba na le dintlha tsotlhe tsa kgetsi nngwe. Seno se ne sa dira gore Modimo a laele ba ba ikarabelelang ka dikgang tsa boatlhodi jaana: “O batlisise gape o tlhotlhomise o bo o botse thata.” Pele baatlhodi ba tswelela ka kgetsi ya tlolomolao kwa kgotlatshekelo, tlolomolao eo e ne e tshwanetse go ‘tlhomamisiwa e le boammaaruri.’—Duteronome 13:14; 17:4.

Reetsa bosupi jwa basupi. Se basupi ba se buang se ne se thusa thata fa go dirwa dipatlisiso. Molao wa Modimo o ne o re: “Go se ka ga tsoga mosupi a le mongwe fela kgatlhanong le motho ka ga tlolo epe kgotsa boleo bope, mo kgannyeng ya boleo bope jo a ka nnang a bo dira. Kgang e tlhomamisiwe ka molomo wa basupi ba le babedi kgotsa ka molomo wa basupi ba le bararo.” (Duteronome 19:15) Molao wa Modimo o ne o laela basupi jaana: “O se ka wa bua pego e e seng boammaaruri. O se ka wa dirisana le moikepi ka go nna mosupi yo o logang maano a tshiamololo.”—Ekesodo 23:1.

Kgothaletsa basupi gore ba bue boammaaruri. Kotlhao eno ya go bua maaka mo kgotlatshekelong e ne e tlhagisa botlhe ba ba nayang bosupi: “Baatlhodi ba batlisise ka kelotlhoko, mme fa mosupi e le mosupi wa maaka e bile a tlisitse tatofatso ya maaka kgatlhanong le morwarraagwe, lo mo dire se a neng a rerile go se dira morwarraagwe, mme o tlose se se bosula mo gare ga gago.” (Duteronome 19:18, 19) Fa motho a ne a ka bua maaka mo kgotlatshekelong gore a tseye boswa jwa yo mongwe, o ne a tla duela ka sengwe se se lekanang le boswa joo. Fa a ne a ka dira gore mongwe yo o se nang molato a bolawe, le ene o ne a tla latlhegelwa ke botshelo jwa gagwe. Kaelo eno e ne e tlhotlheletsa batho go bua boammaaruri.

Se tseye letlhakore fa o atlhola. Fa baatlhodi ba setse ba na le tshedimosetso yotlhe, ba ne ba ntsha katlholo. Mo nakong eno, dintlha dingwe tsa Molao wa Modimo di ne di nna botlhokwa thata: “O se ka wa tshwara motho wa maemo a a kwa tlase ka go tlhaola, gape motho yo mogolo ka maemo, o se ka wa mo rata bogolo go ba bangwe.  O atlhole mongwe ka wena ka tshiamiso.” (Lefitiko 19:15) Fa baatlhodi ba dira ditshwetso mo dikgetsing tsotlhe, ba ne ba tshwanetse go leba boammaaruri jwa kgang e seng tsela e motho a lebegang ka yone kgotsa maemo a gagwe.

Melaometheo eno e e kwadilweng makgolo a dingwaga a a fetileng mo Molaong o Modimo a o neileng Baiseraele, e sa ntse e ka dirisiwa mo dikgotlatshekelong gompieno. Fa e latelwa, go ka se nne le dikgetsi tse di atlholwang ka bonweenwee kgotsa tse di sa atlholweng sentle.

Fa melaometheo ya Molao wa Modimo e latelwa, dikgetsi di ka se atlholwe ka bonweenwee kgotsa ka tshiamololo

BATHO BA BA SOLEGETSWENG MOLEMO KE TSHIAMISO YA MMATOTA

Moshe o ne a botsa Baiseraele jaana: “Go na le setšhaba sefe se segolo se se nang le melao e e siameng le ditshwetso tsa boatlhodi jaaka molao ono otlhe o ke o bayang fa pele ga lona gompieno?” (Duteronome 4:8) Boammaaruri ke gore ga go na setšhaba sepe se sengwe se se neng sa itumelela melemo eo. Ka nako ya puso ya ga Kgosi Solomone, yo mo bosheng jwa gagwe a neng a tshela ka melao ya ga Jehofa, batho ba ne ba “nna ka polokesego,” ka kagiso, ba atlegile, “ba ja ba nwa e bile ba ipela.”—1 Dikgosi 4:20, 25.

Ka maswabi, Baiseraele ba ne ba itlhokomolosa melao ya Modimo. Modimo o ne a bua jaana a dirisa moporofeti Jeremia: “Bonang! Ba ganne lefoko la ga Jehofa, mme ba na le botlhale bofe?” (Jeremia 8:9) Seo se ne sa felela ka gore Jerusalema e nne “motse o o nang le molato wa madi” o o tletseng dilo “tsotlhe tse di makgapha.” O ne wa felela o sentswe e bile o swafaditswe ka dingwaga di le 70.—Esekiele 22:2; Jeremia 25:11.

Moporofeti Isaia o ne a tshela mo nakong e e thata mo hisitoring ya Iseraele. Fa a ne a akanya ka ditiragalo tse di fetileng, o ne a tlhotlheletsega go bua boammaaruri jono ka ga Jehofa Modimo le Molao wa Gagwe: “Fa go na le dikatlholo tse di tswang kwa go wena tsa lefatshe, banni ba naga e e ungwang ruri ba tla ithuta tshiamo.”—Isaia 26:9.

Isaia o ne a itumetse fa a ne a tlhotlhelediwa go bolelela pele jaana ka puso ya Kgosi e e leng Mesia, Jesu Keresete: “Ga a kitla a atlhola go ya ka sepe fela se a se bonang ka matlho, le fa e le go kgalemela go ya fela ka se a se utlwileng ka ditsebe. O tla atlhola batho ba maemo a a kwa tlase ka tshiamo, mme o tla naya ba ba pelonolo ba lefatshe kgalemelo ka thokgamo.” (Isaia 11:3, 4) Ruri eno ke tsholofelo e e molemo e e tla itumelelwang ke ba ba tla busiwang ke Kgosi e e leng Mesia mo Bogosing jwa Modimo!—Mathaio 6:10.

^ ser. 6 Leina Jehoshafate le kaya “Jehofa ke Moatlhodi.”