Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele

Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele

Isagwe e re tshwaretse eng?

Loso lwa ga Jesu lo dira jang gore batho ba tshedisane sentle?

Ga go pelaelo gore batho ba tla nna ba dira kgatelopele mo go tsa saense. A mme ba ka kgona go dira gore batho ba tshedisane sentle? Nnyaa. Lefatshe le tletse bopelotshetlha le bogagaru. Le fa go ntse jalo, Modimo o ikaeletse go direla batho sengwe se se molemo.—Bala 2 Petere 3:13.

Lefoko la Modimo le bua ka lefatshe le batho ba tla tshelang mmogo mo go lone ba ratana. Batho ga ba kitla ba boifa sepe e bile ga go ope yo o tla ba utlwisang botlhoko.—Bala Mika 4:3, 4.

Bopelotshetlha bo tla fedisiwa jang?

Modimo ga a bopa batho ba le pelotshetlha. Mme fa motho wa ntlha a tlola taelo ya Modimo, o ne a nna le boleo. Re ruile tshekamelo eo ya bopelotshetlha mo go ene. Le fa go ntse jalo, Modimo o tla dirisa Jesu go tlosa boleo.—Bala Baroma 7:21, 24, 25.

Jesu o ne a diragatsa thato ya Modimo ka go ntsha botshelo jwa gagwe setlhabelo le go dirolola diphelelo tse di bakilweng ke motho wa ntlha yo o sa ikobelang Modimo. (Baroma 5:19) Ka jalo, Jesu o ne a dira gore batho ba nne le tsholofelo ya isagwe e e itumedisang e mo go yone ba tla bong ba se na tshekamelo ya go dira se se sa siamang.—Bala Pesalema 37:9-11.