Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SA KA FA NTLE | GO TSHELA GAPE—A GO A KGONEGA?

A go Na le Tsholofelo ka Baswi?

A go Na le Tsholofelo ka Baswi?

A baswi ba ka tshela gape?

BAEBELE E ARABA JAANA: “Nako e etla e mo go yone botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo ba tla utlwang lentswe la gagwe [Jesu] ka yone mme ba tla tswa.”Johane 5:28, 29.

Ka mafoko ao, Jesu o ne a bolelela pele gore fa a busa mo Bogosing jwa gagwe, ba ba mo mabitleng ba tla tsosiwa. Fernando yo go builweng ka ene mo setlhogong se se fetileng a re: “Lekgetlo la ntlha fa ke bala Johane 5:28, 29 ke ne ka gakgamala. E ne ya dira gore ke nne le tsholofelo ka bo ka simolola go leba isagwe ka tsela e e siameng.”

Mo metlheng ya bogologolo, monna yo o ikanyegang e bong Jobe o ne a na le tsholofelo ya gore Modimo o tla mo tsosa fa a sena go swa. Jobe o ne a botsa jaana: “Fa monna yo o nonofileng a swa a o ka tshela gape?” Go tswa foo, o ne a araba jaana ka bopelokgale: “Ke tla leta malatsi otlhe a tiro ya bonatla e ke patelediwang go e dira [nako ya fa ke le mo lebitleng], go fitlha kgololo ya me e tla. O tla bitsa, mme nna ka bonna ke tla go araba.”—Jobe 14:14, 15.

Go tsosiwa ga ga Lasaro go re naya tsholofelo ka se se tla diregang mo nakong e e tlang

Kgaitsadie Lasaro e bong Maratha o ne a itse ka tsogo ya baswi. Fa Lasaro a sena go swa, Jesu o ne a mo raya a re: “Kgaitsadio o tla tsoga.” Maratha o ne a araba jaana: “Ke a itse gore o tla tsoga mo tsogong ya baswi ka letsatsi la bofelo.” Go tswa foo, Jesu o ne a mo raya a re: “Ke nna tsogo le botshelo. Yo o supang tumelo mo go nna, le mororo aa swa, o tla tshela.” (Johane 11:23-25) Go tswa foo Jesu o ne a tsosa Lasaro! Kgang eo e e kgatlhang e re bontsha gore go tla direga dilo tse dikgolo mo nakong e e tlang. Akanya fela batho ba tsosiwa mo lefatsheng lotlhe!

A go na le ba ba yang legodimong?

BAEBELE E ARABA JAANA: Lefoko la Modimo le bontsha gore tsogo ya ga Jesu e farologana le tse robedi tse go buiwang ka tsone mo Baebeleng. Batho bao ba le robedi ba ne ba tsosiwa gore ba tshele mo lefatsheng. Mme re bala jaana ka tsogo ya ga Jesu: “Jesu Keresete . . . o kafa seatleng sa moja sa Modimo, gonne o ne a ya legodimong.” (1 Petere 3:21, 22) A ke Jesu fela yo o neng a tla tsosiwa gore a tshele kwa legodimong? Jesu o ne a sa tswa go raya baaposetoloi ba gagwe a re: “Fa ke tsamaya go ya go lo baakanyetsa lefelo, ke tla gape mme ke tla lo tseela kwa gae kwa go nna, gore kwa ke gone le lona lo nne gone.”—Johane 14:3.

Keresete o ne a ya legodimong a bo a baakanyetsa bangwe ba barutwa ba gagwe ba ba neng ba tla tla lefelo. Palo e e feletseng ya batho ba ba yang legodimong ke 144 000. (Tshenolo 14:1, 3) Mme balatedi bao ba ba atamalaneng le Jesu ba tla dira eng kwa legodimong?

Ba tla bo ba dira tiro e e seng kana ka sepe! Baebele ya re: “Go itumela e bile go boitshepo motho yo o nang le seabe mo tsogong ya ntlha; loso lwa bobedi ga lo na taolo mo go bone, mme ba tla nna baperesiti ba Modimo le ba ga Keresete, mme ba tla busa e le dikgosi le ene ka dingwaga di le sekete.” (Tshenolo 20:6) Batho ba ba tsosediwang kwa legodimong ba tla busa lefatshe le Keresete e le dikgosi le baperesiti.

Morago ga foo go tla tsosiwa bomang?

BAEBELE E ARABA JAANA: Mo Baebeleng go na le mafoko ano a moaposetoloi Paulo a neng a a bua fa a ruta: “Ke na le tsholofelo mo Modimong, tsholofelo e banna bano ka bobone le bone ba nang le yone, gore go tlile go nna le tsogo ya ba ba siameng mmogo le ba ba sa siamang.”Ditiro 24:15.

Lefoko la Modimo le re tlhomamisetsa gore batho ba le dibilione ba ba neng ba swa ba tla tsosiwa

Batho “ba ba siameng” ba Paulo a buang ka bone ke bomang? Akanya ka sekai seno. Pele monna yo o ikanyegang e bong Daniele a swa o ne a bolelelwa jaana: “O tla ikhutsa, mme o tla emela kabelo ya gago ka dinao kwa bokhutlong jwa metlha.” (Daniele 12:13) Daniele o tla tsosediwa kae? “Basiami ba tla rua lefatshe, mme ba tla aga mo go lone ka bosakhutleng.” (Pesalema 37:29) Jesu o ne a bolelela pele jaana: “Go itumela ba ba bonolo, e re ka ba tla rua lefatshe.” (Mathaio 5:5) Daniele le banna le basadi ba bangwe ba ba ikanyegang ba tla tsosediwa mo lefatsheng gore ba tshele ka bosakhutleng.

Batho “ba ba sa siamang” ba Paulo a buang ka bone ke bomang? Ke batho ba le dibilione ba ba neng ba swa ba sa itse se Baebele e se rutang le go tshela go dumalana le sone. Fa ba sena go tsosiwa, ba tla ithuta ka Jehofa * le Jesu. (Johane 17:3) Botlhe ba ba tlhophang go direla Modimo ba tla nna le tsholofelo ya go tshelela ruri jaaka Jehofa.

Botlhe ba ba tlhophang go direla Modimo ba tla nna le tsholofelo ya go tshelela ruri ba itekanetse e bile ba itumetse

Go tla bo go ntse jang mo lefatsheng?

BAEBELE E ARABA JAANA: Modimo “o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone.” (Tshenolo 21:4) “Ba tla aga matlo ba nne mo go one; ruri ba tla jala masimo a mofine ba je maungo a one.”—Isaia 65:21.

Ipone o nna mo maemong ao le batho ba o ba ratang ba ba tsositsweng! Mme potso ke gore, O ka tlhomamisega jang gore tsogo e tla nna teng?

^ ser. 15 Baebele ya re leina la Modimo ke Jehofa.