Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

Goreng Josefa a ne a beola moriri pele a ya go bona Faro?

Lebota la Egepeto wa bogologolo le le bontshang motho a beola ba bangwe

Pego ya Baebele ya Genesise ya re Faro o ne a laela gore motshwarwa wa Mohebera e bong Josefa a tlisiwe kwa go ene gore a mo phuthololele ditoro tse di neng di mo tlhobaetsa. Ka nako eo, Josefa o ne a na le dingwaga di le dintsi a le mo kgolegelong. Go sa kgathalesege gore Faro o ne a batla Josefa ka bonako go le kae, Josefa o ne a tsaya nako go ipeola. (Genesise 39:20-23; 41:1, 14) Lebaka la go bo mokwadi a umaka karolo eno e go lebegang e se botlhokwa, go bontsha gore o ne a tlwaelane le meetlo ya Baegepeto.

Mo ditsong di le dintsi, go akaretsa le mo Bahebereng, go ne go tlwaelegile gore motho a tlogele ditedu di gola. Go farologana le seo, buka ya Cyclopedia of Biblical, Theological, and Ecclesiastical Literature e e kwadilweng ke McClintock le Strong ya re: “Egepeto e ne e le yone fela naga ya Botlhaba e e neng e sa letle banni ba yone ba nna le ditedu.”

A go ne go beolwa ditedu fela? Makasine wa Biblical Archaeology Review wa re mo meletlong mengwe ya setso, motho o ne a tshwanetse go ipaakanyetsa go bona Faro fela jaaka a ne a ka ipaakanyetsa go tsena mo tempeleng. Mo maemong ao, Josefa o ne a tla tshwanelwa ke go beola moriri otlhe mo tlhogong le mo mmeleng wa gagwe.

Pego ya Ditiro ya re rraagwe Timotheo e ne e le Mogerika. A seo se raya gore o ne a tswa Gerika?

Nnyaa. Mo Baebeleng, gantsi moaposetoloi Paulo o ne a farologanya Bajuda le Bagerika jaaka e kete Bagerika ba emela batho botlhe ba e seng Bajuda. (Baroma 1:16; 10:12) Ga go pelaelo gore seno se bakilwe ke go dirisiwa thata ga puo le setso sa Bagerika kwa mafelong a Paulo a neng a rera kwa go one.

Ke mang yo o neng a tsewa e le Mogerika? Ka lekgolo la bonè la dingwaga pele Jesu a tla mo lefatsheng, Moathena yo e neng e le setswerere mo puong e bong Isocrates, o ne a bua a le motlotlo kafa setso sa Bagerika se neng se anama ka gone mo lefatsheng. Seo se ne sa dira gore a lemoge gore “bao ba bidiwa Bagerika ka gonne ba na le thutego ya rona, e seng ka gonne ba tswa mo Gerika.” Ka jalo, go ka direga gore rraagwe Timotheo, yo e neng e se Mojuda le bangwe ba Paulo a neng a ba bitsa Bagerika, e ne e le Bagerika ka setso e seng ka tsalo.—Ditiro 16:1.