Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

JW LIBRARY

Dirisa Hisitori—Android

Dirisa Hisitori—Android

JW Library e na le hisitori ya dikgatiso le dikgaolo tsa Baebele tse o di badileng. Seno se ka thusa, ka sekai, fa o batla go boela kwa temaneng e o neng o e bala.

Latela ditaelo tseno fa o batla go dirisa Hisitori:

 Boela Kwa Hisitoring

Tobetsa konopo ya hisitori go bona lenaane la ditemana le dikgatiso tse o di badileng bosheng. Mo lenaaneng leno, tobetsa temana kgotsa setlhogo se o batlang go boela kwa go sone.

 Sutlha Hisitori

Tobetsa konopo ya hisitori go bona lenaane la dilo tse o di badileng. Tobetsa konopo ya Clear go phimola sengwe le sengwe mo lenaaneng leno.

Dintlha tseno di tsentswe ka May 2014 fa go ne go gololwa JW Library 1.2, e e dirang mo didirisiweng tsa Android 2.3 kgotsa e e tlileng morago ga yone. Fa o sa bone dintlha tseno, tsweetswee latela ditaelo tse di tlhagelelang mo setlhogong se se reng “Simolola go Dirisa JW Library—Android,” mo setlhogwaneng se se reng Bona Tsa Bosheng.